Sophia Gray - Wikipedia


Article Images

Sarah Katherine Calburn, yo o itsegeng ka leina la Sarah Calburn, (o tshotswe ka kgwedi ya  Motsheganong e tlhola malatsi ale lesome ka ngwaga wa 1964, kwa Johannesburg) ke moagi wa Aforika Borwa.[1][2]

Botshelo Jwa Gagwe

Sarah Calburn o tsholetswe kwa Johannesburg koo a neng a tsena sekolo sa Roedean, a simolola matric ka ngwaga wa 1981. O ne a ithutela go aga kwa Yunibesithing ya Witwatersrand, a mme a  aloga ka ngwaga wa 1987, mme erile ngwaga wa 1996 o ne a tsaya dikirii ya master ka ntlha ya dipatlisiso tsa gagwe kwa Royal Melbourne Institute of Technology ya kwa Australia. Mo go one ngwaga oo o ne a simolola tiro ya gagwe ya go aga kwa Johannesburg.[3]

Gape Calburn o ne a bereka ele  motlhami wa dikago kwa Paris, Hong Kong, Sydney le Melbourne. Mo godimo ga diporojeke tse dintsi tsa matlo, o ne a dira dipolane tsa lefelo la botaki la Momo kwa Johannesburg. O diretse gape mo komiting ya Gauteng Institute for Architecture mme e ne e le motsamaisi wa lenaneo la ArchitectureZA ka ngwaga wa 2010, e leng ya ntlha ya South African Architectural Biennale. Komiti ye e ne e lebagane le tlhabololo ya ditoropo kwa Johannesburg. Calburn o rutile gape kwa Yunibesithing ya Witwatersrand, Yunibesithi ya Cape Town le RMIT Melbourne.[1]

Dimpho

Ka Sedimonthole ngwaga ele wa 2010,  Dustin A. Tusnovics, Sarah Calburn ba ne ba gapa sekgele sa boraro mo Kgaisanyong ya Urbaninform Design kwa Zurich, Switzerland, ka porojeke ya bone ya Taking the Gap. Lekgotla la baahlodi le ne la akgela ka moakanyetso wa yone  o o nonofileng, ba o tsaya e le maiteko a botlhokwa a matlo a loago mo Aforika Borwa.[4]

Metswedi

  1. 1.0 1.1 Book of South African Women: Architects", Mail and Guardian online, 3 August 2009. Retrieved 11 February 2012
  2. "The Team", Sarah Calburn Architects. Retrieved 11 February 2012
  3. "Sarah Calburn – Matric Class 1981", Roedean School. Retrieved 11 February 2012
  4. urbaninform Competition : Architecture Contest", e-architect. Retrieved 11 February 2012.